Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente, Motlotlegi Dithapelo Lefoko Keorapetse, o phaketse a eteletse lekoko la Palamente, a buisa phuthego ko Kgotleng Kgolo ya Mmadinare, mo mosong wa maabane. Maikaelelo a phuthego eo ke go ruta sechaba, go buisana, le go tsaa megopolo ka tsamaiso le bokao jwa Palamente. Thulaganyo ya go isa Palamente ko bathong ke lenaneo le le tswang goo lowe, le Batsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente ba tsamayang le dikgaolo tsa Botswana ka go harogologana ba buisana le sechaba, ba ruta ka Palamente, ebile ba tsaya megopolo go tokahatsa tsamaiso ya yone. Palamente e setse e kile ya etela ko Goodhope, Sefhare, Palapye, Tonota, Shashe Bophirima, Francistown Botlhaba, Nata-Gweta le Moshupa ka ngwaga wa 2022, e eteletswe pele ke Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente wa pele, Motlotlegi Phandu Skelemani. Mo puisanyong ya gagwe, Motlotlegi Keorapetse o ne a supa boeteledipele jwa Palamente ya bo lesome le boraro. A tswelela ka go ruta sechaba ka tirokgolo ya Palamente eleng go dira melao go gwetlha kagiso le puso e e tsepameng; go thodumela le go dupa ditsamaiso tsa ga goromente, le go tiisa kemedi ya batho. O tsweletse a supa gore Palamente e ncha e lekile bojotlhe go lekalekanya kemedi ya Mapalamente mo dikomiting tsa yone. Motlotlegi Keorapetse o ne a supa ka boitumelo gore Palamente ya gompieno e na le kemedi e e nametsang ya Mapalamente a banana. Faa tswelela, o supile se se sa nametseng e santse ele kemedi ya dipalo tsa bomme mo Palamenteng. Mme Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente o ne tlhalosa gore maikaelelo a go oketsa bomme mo ditsamaisong tsa Palamente a tlaa dirwa jaaka Kgosi Mosadi Seboko wa leloko la Ntlo ya Dikgosi a tlhomilwe go nna leloko la Pan African Parliament. Motlotlegi Keorapetse a supa gape gore Palamente ya Botswana go ya ka Molao-Motheo, e santse e ikaegile ka Ofisi ya ga Tautona, ka jalo e sa ikemela ka nosi mo go tletseng. Ka tsholofelo, a supa gore mo paakanyong ya Molao-Motheo go tlaa lekwa thata go baakanya seemo se. Baagi ba motse ka go farolaganya ba botsa Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente dipotso ka dikgang tse di farologanyeng ebile ba supa ka boitumelo gore loeto le la Palamente le ba tswetse mosola fela thata. Ene yare morago ga phuthego, Motsamaisa Dipuisanyo tsa Palamente a lekola ofisi ya Palamente ya kgaolo ya Mmadinare, maikaelelo ele go bona seemo sa yone jaaka e buletswe sechaba go ikgolaganya le Mopalamente wa bone. Phuthego ya Mmadinare e ne e wetsa tikologo ya ntlha ya diphuthego tsa go isa Palamente ko bathong, morago ga dikgaolo tsa Serowe le Selibe-Phikwe monongwaga.